1 Petero 3 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 3. 1 LE lona basari, utluañ banona ba lona; gore, ha bañue ba gana go utlua lehuku, ba heñoe ka tsamao ea basari, esiñ ka lehuku; 2 Ka ba bona tsamao e iñtle ea lona, le poiho. 3 Ba khabo ea bona, e si ne khabo ea kua ntle, go hora meriri, khotsa go roala gouda, khotsa go apara liaparo; 4 Mi a e ne mothu oa pelu, eo o sa bonaleñ, khabo e e sa boleñ ea moea oa bonolo, le tirimalo, e e leñ ea sereko se segolu ha pele ga Morimo. 5 Gone le bona basari ba boitsepho ba bogolugolu, ba ba le ba ikanya Morimo, ba le ba ikhabisa yalo, ba utlua banona ba bona; 6 Yaka Sarahe a la a utlua Aberahame, a mitsa morena; eo lo leñ bomoroariague, ha lo riha seiñtle, mi lo sa boihe poitsego epe. 7 Le lona banona, agañ nabo ka tlaloganyo, go nela mosari tlotlo ka a le seyana se se siñ thata, ka le mororo lo le ba boshua mogo ba tsegohaco ea botselo; gore merapelo ea lona e si khorelerioe. 8 Ya bohelo, lotle nañ boitlomo yo boñue hela, le go utluelana botluku, le go rata bakauleñue, lo ne le boicuarelo yoa bo teñ, le tsalano; 9 Esiñ go lehela boshula ka boshula, khotsa komano ka komano; bogolu tsegohatsañ; ka lo itse ha lo bilericoe mouo, gore lo ne ba boshua ba letsego. 10 Gone ena eo o ratañ botselo, le go bona metla e e molemo, a a thibe loleme loa gague mo boshuleñ, le lipounama tsa gague gore li si bue koko epe; 11 A a thibogele boshula, mi a rihe molemo; a a batle kagisho, a e come. 12 Gone maitlo a Morena a mo go bona basiami, le tsebe tsa gague li atlametse merapelo ea bona; mi sehatlogo sa Morena se mo go ba ba rihañ boshula. 13 Mi mañ eo o tla lo rihelañ boshula, ha lo le balateri ba se se molemo? 14 Mi ha lo bogisioa ka ntla ea tsiamo, yalo lo tsegoharicoe, mi lo si boihe poiho ea bona, mi lo si tlaleloe; 15 Mi itsephiseñ Morimo Morena mo peluñ tsa lona; mi lo etletsege ka gale go araba moñue le moñue eo o lopañ boipobolo yoa culuhelo e e mo go lona, ka bonolo le poiho; 16 Mi lo ne le segakolori se se molemo; gore ba tlayoe ki litloñ ba ba khalañ tsamao e e molemo ea lona mo go Keresete, ka ba bua boshula ga lona yaka ga barihalibe. 17 Gone go molemo go lona go bogisioa ka ntla ea go riha seiñtle, ha e le go rata ga Morimo, bogolu go bogiserioa go riha boshula. 18 Gone le ena Keresete o la a bogiserioa libe gañue hela, mosiami mo boemoñ yoa ba ba sa siamañ, gore a re lere go Morimo; a bolailoe mo nameñ, mi a tserisioa ki moea; 19 O, o la a ea ka ona, a rerela meoea e e mo tluñ ea kholegelo, 20 E erileñ pele ea bo e sa utlue, yale ka bopelutelele yoa Morimo bo lebelela mo malatsiñ a ga Noe, ka areka e santse e etlerioa, e bobotlana, eboñ meoea e e eit, e le ea bulukoa ka metse mo go eona: 21 Le rona re bulukoa ka papetisho, e e leñ cuano ea aona (esiñ pelegololo ea leshue ya mele, mi ki karabo ea segakolori se se molemo mo Morimoñ,) ka cogo ea ga Yesu Keresete; 22 Eo o tlatlogetseñ legorimoñ, mi o mo atleñ se se siameñ sa Morimo; ka baengele, le balaori, le bathati, ba laorisicoe taoloñ ea gague. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society