1 Batedaloni 5 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 5. 1 MI, bakauleñue, ga go tlokahale gore ki lo kualele ga metla le lipaka. 2 Gone ka losi loa itse ka botlalo, ha tsatsi ya Morena le tla tla yalo yaka legoru bosigo. 3 Gone etlare mogañ ba reñ, Go kagisho, ga go na poitsego; eriha gona tsenyego ea bonako e tla tlañ go bona, yaka pelego e tla mo mosariñ eo o ithueleñ; mi ga ba kitla ba halola. 4 Mi lona, bakauleñue, ga lo mo hihiñ, ha tsatsi ye le ka lo hitlela yaka legoru. 5 Lona lotle lo bana ba leseri, le bana ba letsatsi; ga re ba bosigo, leha e le ba lehihi. 6 Ki gona a re si robaleñ yaka ba bañue; mi a re riseñ, le go na tekano. 7 Gone ba ba robalañ, ba robala bosigo; mi ba ba tagiloeñ ba tagiloe bosigo. 8 Mi rona ba re leñ ba letsatsi, a re ne tekano, re apare thebe ea sehuba ea tumelo, le ea lorato; lo eona culuhelo ea puluko go na helemeta. 9 Gone Morimo go oa re laolela bogaleñ, mi ki go bona puluko ka Yesu Keresete Morena oa rona, 10 Eo o re shuetseñ, gore, leha re cogile, khotsa re robetse, re tsele mogo le ena. 11 Ki gona gomotsanyañ, mi agelelanañ, yaka le lona lo riha. 12 Mi, bakauleñue, rea lo rapela, itseñ bona ba ba rihañ mo go lona, ba ba lo lebalebañ mo Moreneñ, ba ba lo kaelañ; 13 Go ba kaea segolu mo loratoñ, ka ntla ea tiho tsa bona mo go lona. Nañ kagisho mo go lona. 14 Mi yana, bakauleñue, rea lo rapela, tlagisañ ba ba sa rulaganyeñ, gomotsañ ba ba sa nametsegeñ, thusañ ba ba bokoa; nañ bopelutelele mo go botle. 15 Lo bone gore go si ne ope eo o lehelañ eo moñue boshula ka boshula; mi latelañ se se molemo ka gale, mo go lona ka losi, le mo go bona botle. 16 Itumeleñ ka gale. 17 Rapelañ ka go bisa go khutla. 18 Lo itumelele mo liloñ cotle; gone mo, e le thato ea Morimo kaga lona, mo go Keresete Yesu. 19 Si timeñ Moea. 20 Si nyatseñ lithuto. 21 Lekañ lilo cotle; tsegetsañ se se molemo. 22 Ithibeñ mo go cotle tse ri cuanañ yaka boshula. 23 Mi Morimo oa kagisho ka osi, a o lo itsephise gotle; gore matselo aotle a lona, le meoea, le mebele, e bulukoe, ka go sina molatu, mo go tleñ ga Yesu Keresete Morena oa rona. 24 Ona o o lo bitsañ o boikanyo; o le ona o tla riha yalo. 25 Bakauleñue, lo re rapelele. 26 Rumerisañ bakauleñue botle ka katlo ea boitsepho. 27 Kia lo ikanisa ka Morena, gore episetole e, e buiserioe bakauleñue botle ba boitsepho. 28 Tsegohaco ea ga Yesu Keresete Morena oa rona e ne le lona. Amena. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society