Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

1 Bakorinta 9 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)


KHAOLO 9.

1 AGA ki moapostoloi? A ga ki mo tlomamoñ? A ga kia ka ka bona Yesu Keresete Morena oa rona? A ga lo tiho ea me mo Moreneñ?

2 Ha ki si moapostoloi oa ba bañue, leha gontse yalo ki oa lona, gone lo locuao loa boapostolo yoa me mo Moreneñ.

3 Karabo e ki e arabañ ba ba ’mpotsan, ki e.

4 A ga re na thata go ya le go noa?

5 A ga re na thata go tsamaea le mosari, eo o leñ morumeri, yaka baapostoloi ba bañue, le yaka bakauleñue ba Morena, le Kefa?

6 Khotsa ’na le Barenaba rosi, a ga re na thata go khutla go riha?

7 Mañ eo o kileñ a tlabana ka tlamelo tsa gague? mañ eo o tlomañ tsimo ea movine, mi a sa ye louñuo loa eona? khotsa mañ eo o risañ lecomane mi a sa ye mashi a lecomane?

8 A ki bua se kaha mothuñ? khotsa molao le ona a ga o bue yalo?

9 Gone go kuariloe mo molaoñ oa ga Moshe, Ga u kitla u boha molomo oa khomu e e holañ mabele. A Morimo o tlamela likhomu?

10 Khotsa a o bua yalo ka ntla ea rona rosi? gone le kuariloe ka ntla ea rona, gore eo o lemañ a leme ka culuhelo; le eo o holañ, ka culuhelo ea gore o tla abeloa.

11 Mi ha re yetse lilo tsa moea go lona, a ki segolu ha re roba lilo tsa mele tsa lona?

12 Ha bañue e le baaberoi ba thata e, mo go lona, a ga rea cuanela bogolu? Leha gontse yalo ga rea ka ra laola ka thata e; mi re iphapanya lilo cotle, gore re si khoreletse evangelio ea ga Keresete.

13 A ga lo itse ha ba ba rihelañ lilo tsa boitsepho ba ya tsa boitsepho? mi ba ba letañ ha aletareñ, ki baaberoi ba aletara?

14 Morena le ena o laoletse yalo, gore ba ba rerañ evangelio, ba tsele ka evangelio.

15 Mi ’na ga kia ka ka riha sepe sa lilo tseuo; mi lilo tse ga kia li kuala, gore ki riheloe yalo; gone e kabo e le molemo mo go ’na go shua, bogolu ha moñue a ka riha pelahalo e ea ’me lehela.

16 Gone ha ki rera evangelio, ga ki na se ki se belahalelañ; gone cuanelo ki e beecoe; E, go latlega ’na ha ki sa rere evangelio!

17 Gone ha ki riha mo ka boitumelo, ki na le tuelo; mi ha e si ka boitumelo, tlamelelo ea eona ki e neiloe.

18 Mi yalo tuelo ea me ki ehe? Ki go re, etlere ha ki rera evangelio, ki abe evangelio ea ga Keresete esiñ ka tuelo, gore ki se rihe mashue ka thata ea me mo evangelioñ.

19 Gone leha ki le mo tlomamoñ kaga botle, ki itihile moriheri oa botle gore ki buluke bantsi.

20 Ki le ka na yaka Moyuda mo Bayudiñ, gore ki buluke Bayuda; kintse mo go bona ba molao yaka ki oa molao, gore ki buluke ba ba mo molaoñ;

21 Le mo go bona ba ba sinañ molao, yaka moñue eo o sinañ molao, gore ki buluke ba ba sinañ molao, (leha ki si moñue eo o sinañ molao oa Morimo, ka ki na le molao oa ga Keresete.)

22 Ki le ka na bokoa mo bakoeñ, gore ki buluke ba bokoa; ka na cotle mo go botle, gore ’nke ki buluke bañue.

23 Mi cotle tse, kia li riha ka ntla ea evangelio, gore ki ne moaberoi oa eona le lona.

24 A ga lo itse ha ba ba sianañ mo tsianoñ, botle ba siana, mi moñue Lela a bona tuelo? Sianañ yalo, gore lo e bone.

25 Mi moñue le moñue eo o ganelelañ pako, oa ithiba mo liloñ cotle. Mi yana ba riha yalo gore ba bone seroalo sa tlogo se se bolañ; mi rona e le go bona se se sa boleñ.

26 Ki gona ki sianañ yalo, esiñ ka khakhabuelo; ki loa yalo, esiñ yaka moñue eo o betsañ loapi;

27 Mi ki khola mele oa me, go o laola; e si re khotsa ki sina rera go ba bañue, ’na ka latloa ka ’nosi.

this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society

British & Foreign Bible Society
Lean sinn:



Sanasan