1 Bakorinta 8 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 8. 1 MI yana ga lilo tse ri shupelecoeñ merimo ea liseto, rea itse re na le kico rotle. Kico ea burulola, mi lorato loa agelela. 2 Ha moñue a itloma a itse señue, eo ga e si a itse sepe yaka a cuanetse go itse. 3 Mi ha moñue a rata Morimo, o itsioe ki ona. 4 Ki gona, ga go ya lilo tse ri shupelecoeñ merimo ea liseto, rea itse ha morimo oa seseto e si sepe mo lehatsiñ, mi ha go si Morimo ope ha e si o moñue hela. 5 Gone leha e leeo e e birioañ merimo, leha e le mo legorimoñ, leha e le mo lehatsiñ, (yaka go le merimo mentsi, le barena bantsi,) 6 Leha gontse yalo re na le Morimo o moñue hela, Rra, eo lilo cotle lieoñ ka ena, le rona mo go ena; le Morena eo moñue hela, Yesu Keresete, eo lilo cotle lieoñ ka ena, le rona ka ena. 7 Leha gontse yalo, kico e ga eeo mo go botle; gone bañue ba sa ya se se shupelecoeñ merimo ea liseto le go yana ka segakolori sa morimo oa seseto; mi ka ligakolori tsa bona li si thata, ba leshueharioa. 8 Mi yana liyo ga li re khatlise Morimoñ, gone leha re ya, ga re na bogolu; mi leha re sa ye, ga re na botloko. 9 Mi lo itise gore thata e ea lona e si ne sekhopisho go bona ba ba bokoa. 10 Gone ha moñue a gu bona, uena eo o nañ le kico, u rutse ha liyoñ, mo tempeleñ ea merimo ea liseto, segakolori sa eo oa bokoa, a ga se kitla se tlomamisioa go ya lilo tse ri shupelecoeñ merimo ea liseto? 11 Mi mokauleñue eo oa bokoa, eo Keresete o mo shuetseñ, a o tla latlega ka kico ea gago? 12 Mi ka lo leohela bakauleñue yalo, le go kuenesetsa ligakolori tsa bona tse ri bokoa, loa leohela Keresete. 13 Ki gona ha liyo li khopisa mokauleñue oa me, ga ’nkitla ki ya nama ka bosina bokhutlo, gore ki se khopise mokauleñue oa me. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society