1 Bakorinta 2 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)KHAOLO 2. 1 MI ’na, bakauleñue, erile ki tla go lona, ki le ki sa tle ka mahuku a maintle, khotsa a botlale, go lo rerela cupo ea Morimo. 2 Gone ki ikaeletse esiñ go itse sepe mo go lona, ha e si Yesu Keresete, le papolo ea gague. 3 Mi ki le ki na le lona ka bokoa, le poiho, le bogolu yoa lithoromo. 4 Mi thuto ea me, le thero ea me, li li si na le mahuku a a khonañ a botlale yoa bathu; mi e le le ka ponatsego ea Moea, le ea thata; 5 Gore tumelo ea lona e si ne mo botlaleñ yoa bathu, mi e ne mo thateñ ea Morimo. 6 Mi re bua botlale mo go bona ba ba botlalo; mi esiñ botlale yoa lehatse yenu, khotsa yoa balaori ba lehatse yenu, yo bo nyelelañ; 7 Mi re bua botlale yoa Morimo mo bosaitsioeñ, yo bo bipiloeñ, yo Morimo o bo laoletseñ khalaleloñ ea rona, pele lehatse le e si le ne; 8 Yo go siñ ope oa balaori ba lehatse yenu o bo itsileñ; gone ha ba le ba bo itse, ba kabo ba si ka ba bapola Morena oa khalalelo. 9 Mi yaka go kuariloe, Leitlo ga lea ka ya ri bona, tsebe ga ea ka ea ri utlua, ga lia ka tsa tlatloga mo peruñ ea mothu, lilo tse Morimo o li etleleritseñ bona ba ba o ratañ; 10 Mi Morimo o li re senoletse ka Moca oa ona; gone Moea o botsisa lilo cotle, le cona lilo tsa boteñ tsa Morimo. 11 Gone mothu emañ eo o itseñ tsa mothu, ha e si moea oa mothu o o mo go ena? gontse yalo ga go ope eo o itseñ lilo tsa Morimo, ha e si Moea oa Morimo. 12 Mi yana ga rea cula moea oa lehatse, mi re cutse Moea o e leñ oa Morimo; gore re itse lilo tse Morimo o li re neileñ ka botlalo; 13 Tse le cona re li buañ, esiñ ka mahuku a a rutoañ ki botlale yoa bathu, mi ki ka mahuku a a rutoañ ki Moea oa Boitsepho; go cuantsa lilo tsa moea ka lilo tsa moea. 14 Mi mothu oa nama, ga a cule lilo tsa Moea oa Morimo; gone li bosilo go ena, mi ga a kake a li tlaloganya, gone li botsisioa ka moea. 15 Mi eo e leñ oa moea o botsisa lilo cotle, mi ena ka esi, ga a botsisioe ki ope. 16 Gone mañ eo o itsileñ boitlomo yoa Morena gore a bo rute mi re na le boitlomo yoa ga Keresete. |
this is a historical text maintained by the British and Foreign Bible Society
British & Foreign Bible Society