Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

Luke 14 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha


Jesu o ruta mo lwapeng lwa Mofarasai

1-2 Mme ka Sabata nngwe ya re a le mo lwapeng lwa leloko lengwe la Lekgotla la Sejuta, Bafarasai ba bo ba mo lebeletse thata jaaka bophakalane go bona gore a o tlaa fodisa monna yo o neng a le foo a lwala go tlala metsi mo ditokololong.

3 Mme Jesu a raya Bafarasai le bomaitseanape ba ba neng ba le foo a re, “A go kafa molaong go fodisa motho ka letsatsi la Sabata, kgotsa nnyaa?”

4 Mme ya re ba gana go mo araba, Jesu a tshwara monna yo o lwalang ka letsogo a mo fodisa a mo rebola go tsamaya.

5 Hong a retologela kwa go bone: A botsa a re, “Ke ofe wa lona yo o sa direng ka letsatsi la Sabata? Fa kgomo ya gago e wela mo sedibeng, a ga o ka ke wa tswelela pele go e ntsha ka bonako?”

6 Gape ba tlhoka karabo.

7 Mme erile fa a lemoga fa batho botlhe ba ba tsileng dijong ba leka go nna gaufi le lomati lwa bojelo, a ba gakolola a re:

8 “Fa lo laleditswe modiro wa nyalo, lo se ka lwa aga lo lwela go nna kwa mannong a a botoka. Gonne fa mongwe yo o tlotlegang thata go lo gaisa a goroga,

9 ene yo o laleditseng o tlaa mo lere fa o ntseng gone mme a re, ‘A monna yoo a nne fa mo boemong jwa gago’. Mme wena, ka ditlhong o tlaa tshwanelwa ke go nna mo setilong se se setseng kwa morago ga lomati lwa bojelo!

10 “Jaanong dira se mo boemong jwa seo, simolola kwa morago; mme fa yo o go laleditseng a go bona, o tlaa tla a go raya a re, ‘Tsala, re go bonetse bonno jo bo botoka go na le jo! Hong o tlaa tlotlega fa pele ga balalediwa ba bangwe botlhe!

11 Gonne mongwe le mongwe yo o lekang go itlotla o tlaa ngotlafadiwa; mme yo o ikokobetsang o tlaa tlotlwa.’ ”

12 Hong a retologela kwa go yo o mo laleditseng a re, “E re fa o dira dijo, o se ka wa laletsa ditsala, bomorwarrago, bagaeno, le bahumi! Gonne le bone ba tlaa go laletsa.

13 Mme mo boemong jwa mo, o laletse bahumanegi, digole, batlhotsi le difofu.

14 Hong e tlaa re ka tsogo ya basiami, Modimo o tlaa go duelela go laletsa ba ba se ka keng ba go laletsa.”


Sekai ka modiro o mogolo

15 Erile monna mongwe yo o neng a ntse fa lomating lwa bojelo le Jesu a utlwa dilo tse a goa a re, “Go tlaa nna boitumelo jo bo kae go tsena mo Bogosing jwa Modimo!”

16 Mme Jesu a fetola ka setshwantsho se: “Monna mongwe o kile a baakanya modiro o mogolo mme a dira ditaletso tse dintsi.

17 Erile fa gotlhe go siame, a roma motlhanka wa gagwe go itsise balalediwa gore ke nako ya gore ba tle.

18 Mme botlhe ba simolola go dira diipato. Mongwe a re, ke gone fela o neng a reka tshimo mme o batla go ya go e bona, mme a kopa go itshwarelwa.

19 Yo mongwe a re ke gone fela a neng a reka sepane sa dipholo tse some mme o batla go di lekeletsa.

20 Yo mongwe e ne e le gone fela a neng a nyala, ka lebaka leo ga aa ka a tla.

21 “Motlhanka a boa a ya go bolelela mong wa gagwe se ba se buileng. Mong wa gagwe a gakatsega thata mme a mo raya a re, itlhaganelele mo mebileng le mo dikgorong tsa motse o laletse bakopi, digole, batlhotsi le difofu.

22 Mme ga bo go santse go na le phatlha.

23 “Mong wa gagwe a re, ‘Go siame, jaanong tswela mo diferwaneng tsa motse le mo morago ga dikgoro o kope mongwe le mongwe yo o mmonang go tla, gore ntlo e tle e tlale.

24 Gonne ga go ope mo go ba ke ba laleditseng pele yo o tlaa itatswang mo go se ke se ba baakanyeditseng.’ ”


Tsela ya go nna morutwa wa ga Jesu

25 Mme batho ba bantsi ba ne ba mo setse morago. Hong a retologa a ba raya a re,

26 “Fa mongwe a batla go nna molatedi wa me o tshwanetse go nthata bogolo go gaisa rraagwe, mmaagwe, mosadi wa gagwe, bana ba gagwe, bomonnawe kgotsa bokgaitsadie-ee, go gaisa le jone tota botshelo jwa gagwe, kwa ntle ga moo ga a ka ke a nna morutwa wa me.

27 Ebile ga go na ope yo o ka nnang morutwa wa me fa a sa sikare mokgoro wa gagwe a ntshala morago.

28 “Mme lo se ka lwa simolola go fitlhelela lo bala tlhwatlhwa. Gonne e mang yo o ka simololang kago, kwa ntle ga go bona pele tekanyo le go bona gore a o na le madi a a lekanyeng go duela melato.

29 E seng jalo, o ka kgona go fetsa motheo pele ga a tlhaelelwa ke madi. Mme ka ntlha ya moo mongwe le mongwe o ka mo tshega jang!

30 “Mme ba tlaa mo sotla ba re, ‘A lo bona motho yo o fa yole? O simolotse kago ele mme o tlhaeletswe ke madi pele ga a e fetsa!’

31 “Kgotsa ke efe kgosi e e ka lorang go ya ntweng pele ga e nna fa fatshe le bagakolodi ba yone ba buisanya gore a masole a selekanyo sa dikete tse di lesome a itekanetse go ka fenya a a dikete tse di masome a mabedi a a kgatlhanong nae?

32 Mme fa mogopolo o sa kgonege, e re fa masole a mmaba a sa le kgakala, e rome batsereganyi go buisanya ka mafoko a kagiso.

33 Jalo ga go na ope yo o ka nnang morutwa wa me fa a sa nna fa fatshe pele ga a bala masego a gagwe, mme a a latlhela otlhe mo go nna.

34 Tshiamo ya letswai ke eng fa le latlhegetswe ke molodi?

35 Letswai le le senang molodi ga le na tiro le fa e le go nna monontshane. Ga le na tiro mme le tshwanetse go latlhelwa kwa ntle. Reetsang sentle, fa lo batla go tlhaloganya phuthololo ya me.”

Tswana Living New Testament™

(Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™)

Copyright © 1993 by Biblica, Inc.

Used with Permission. All rights reserved worldwide.

Biblica, Inc.
Lean sinn:



Sanasan