Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

1 Timoteo 4 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha


Baruti ba maaka

1 Mme Mowa O O Boitshepo o re bolelela sentle gore mo metlheng ya bofelo bangwe mo phuthegong ba tlaa fularela Keresete mme ba nne balatedi ba baruti ba ba tlhotlheleditsweng megopolo e e bosula ke Satane.

2 Baruti ba ba tlaa bolela maaka ka difatlhogo tse di gagametseng ba bo ba go dira gantsi thata mo e leng gore digakolodi tsa bone ga di kitla di ba kgoreletsa ka gope.

3 Ba tlaa re go nyala ga go a siama le go ja nama, le fa Modimo o neetse Bakeresete ba ba rutilweng sentle dilo tse go di itumelela le go di lebogela,

4 gonne sengwe le sengwe se Modimo o se dirileng se siame, mme re ka se ja ka boitumelo fa re se itumelela,

5 le fa re kopa Modimo go se segofatsa, gonne se siamisiwa ke Lefoko la Modimo le thapelo.

6 Fa o tlhalosetsa ba bangwe selo se, o tlaa bo o dira tiro ya gago jaaka moruti yo o itekanetseng yo o otlilweng ka tumelo le ka thuto ya boammaaruri e o e setseng morago.

7 Se senye nako mo dikganetsanyong tsa megopolo ya bomatla le dinaane tsa boeleele le ditlhamane. Dirisa nako ya gago le nonofo mo go itlwaetseng go nna o nitame mo moweng.

8 Katiso ya mmele e siame, mme katiso ya semowa e botlhokwa thata ebile ke molemo mo go tsotlhe tse o di dirang. Jalo ikatise mo moweng o itlwaetse go nna Mokeresete yo o siameng, ka gore mo go tlaa go thusa e seng fela mo botshelong jono, mme le e leng le mo go jo bo tlang.

9-10 Se ke boammaaruri mme mongwe le mongwe o tshwanetse go bo amogela. Re dira thata re bile re boga thata gore batho ba tle ba bo dumele, gonne tsholofelo ya rona e mo Modimong o o tshelang o o re swetseng rotlhe, bogolo jang ba ba amogetseng poloko ya One.

11 Ruta dilo tse, o bo o tlhomamise gore mongwe le mongwe o di ithuta sentle.

12 Se letle gore ope a go nyatse ka go bo o le mmotlana. Nna sekao sa bone, dira gore ba latele ka fa o ba rutang ka teng le ka fa o tshelang ka teng; nna sekao mo go bone ka lorato lwa gago; tumelo ya gago, le ka megopolo e e phepa.

13 Go fitlhelela ke tsena koo, bala o bo o tlhalosetse phuthego Dikwalo; rera Lefoko la Modimo.

14 Tlhomamisa go dirisa dinonofo tse Modimo o di go neileng ka baporofiti ba One fa bagolwane ba phuthego ba go baya diatla.

15 Dirisa dinonofo tse; dira tiro yotlhe ya gago ka botlalo gore batho botlhe ba tle ba lemoge tlhabologo ya gago le tswelelopele.

16 Lebelela ka kelotlhoko mo go tsotlhe tse o di dirang le tse o di akanyang. Nna boammaaruri mo go se se siameng mme Modimo o tlaa go segofatsa o bo o go dirisa go thusa ba bangwe.

Tswana Living New Testament™

(Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™)

Copyright © 1993 by Biblica, Inc.

Used with Permission. All rights reserved worldwide.

Biblica, Inc.
Lean sinn:



Sanasan