Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -

1 Bakorinta 8 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha


Dijo tse di abelwang medimo ya disetwa

1 Gape ke potso ya lona kaga go ja dijo tse di tlhabetsweng medimo ya disetwa. Mo potsong e mongwe le mongwe o ikutlwa gore karabo ya gagwe fela ke yone e e siameng! Mme le fa go ntse jalo go nna “moitse wa tsotlhe” go re dira gore re ipone botoka, mme se se tlhokegang tota, go aga phuthego ke lorato.

2 Fa mongwe a akanya gore o itse dikarabo tsotlhe, o supa bosenakitso jwa gagwe fela.

3 Mme motho yo o ratang Modimo ka boammaaruri ke yo o bulegetseng kitso ya Modimo.

4 Jaanong ke eng kaga gone? A re tshwanetse go ja nama e e tlhabetsweng medimo ya disetwa? Ee, re a itse gore modimo wa sesetwa ga se Modimo tota, le gore go na le Modimo o le mongwe fela, mme e seng ope gape.

5 Ka fa bathong ba bangwe, go na le medimo e megolo e le mentsi kwa legodimong le mo lefatsheng.

6 Mme rona re itse gore go na le Modimo o le mongwe fela, Rara, yo o dirileng dilo tsotlhe a bo a re dira gore re nne ba gagwe; le Morena a le mongwe fela ebong Jesu Keresete, yo o dirileng sengwe le sengwe a bo a re naya botshelo.

7 Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba bangwe ga ba lemoge selo se. Mo matshelong a bone otlhe ba ntse ba akantse medimo ya disetwa gore e a tshela, le go dumela gore dijo tse di diretsweng medimo ya disetwa di neetswe medimo tota. Jalo fa ba a ja dijo tseo di a ba sulafalela ebile di koafatsa digakolodi tsa bone.

8 Gakologelwang fela gore Modimo ga o tlhokomele fa re di ja kgotsa re sa di je. Ga re molato fa re sa di je, ebile ga re botoka fa re di ja.

9 Mme itlhokomele gore o se ka wa dirisa kgololesego ya gago go di ja, e se re kgotsa wa leofisa mokaulengwe mongwe yo o nang le tumelo e e bokoa.

10 O a bona, se ke se se ka diragalang: Mongwe yo o akanyang go le phoso go ja dijo tse o tlaa go bona o o ja kwa tlung ya dijo ya Tempele, gonne o a itse fa go sena molato mo go tsone. Mme lo tlaa nna pelokgale thata go di ja le ene le fa ka nako tsotlhe a ntse a ikutlwa e le phoso.

11 Jalo ka gore o “itse gore go siame go di ja,” o tlaa bo o tshwanetse go arabela go dira tshenyego e kgolo ya semowa mo mokaulengweng yo o nang le segakolodi se se boruma, yo Keresete a mo swetseng.

12 Mme ke sebe kgatlhanong le Keresete go leofela mokaulengwe wa gago ka go mo kgothatsa go dira sengwe se a akanyang se le phoso.

13 Jalo fa nama e e ntshediwang medimo ya disetwa e tlaa leofisa mokaulengwe wa me, ga nkitla ke e ja mo botshelong jwa me, ka gore ga ke batle go mo leofisa.

Tswana Living New Testament™

(Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha™)

Copyright © 1993 by Biblica, Inc.

Used with Permission. All rights reserved worldwide.

Biblica, Inc.
Lean sinn:



Sanasan