Mareko 7:6 - BAEBELE e e Boitshepo6 A ba raya a re: “Isaia o boletse sentle ka ga lona baitimokanyi, jaaka go kwadilwe ga twe: ‘Ba tšhaba e, ba ntlotla ka dipounama tsa bone, mme dipelo tsa bone di le kgakala le nna. Viz kapitolaLefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha6-7 Mme Jesu a araba a re, “Baitemokanyi ke lona! Isaia moporofiti o lo bonye sentle fa a re, ‘Batho ba ba bua sentle ka ga Morena mme ba sa mo rate ka boammaaruri. Kobamelo ya bone ke ya dinyana, gonne ba re Modimo o laola batho go obamela melao ya bone! Ruri Isaia o ne a le boammaaruri jang!’ Viz kapitolaSetswana 19706 Mme a ba araba a re: “Jesaya o boleletse pele sentle ka ga lona baitimokanyi, jaaka go kwadilwe ga twe: “ ‘Morafe o, o ntlotla ka melomo, mme dipelo tsa bone di kgakala le nna. Viz kapitolaBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)6 Mi a araba, a ba raea, Yesaye o buleletse pele rure ga lona baitimokanyi, yaka go kuariloe, Bathu ba, ba ntlotla ka lipounama tsa bona, mi pelu tsa bona li khakala le ’na. Viz kapitola |