Mareko 11:13 - BAEBELE e e Boitshepo13 Ya re a bonela mofeige kgakala, o na le makakaba, a ya kwa go one, a re e tlaa re gongwe a bone sengwe mo go one, mme a re a fitlha fa go one a se ka a fitlhela sepe fa e se makakaba fela, gonne e ne e ise e nne lobaka lwa difeige. Viz kapitolaLefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha13 Ya re kgakalanyana fa thoko ga tsela a bona setlhare sa mofeige se le matlhare a matala, hong a tsamaya a ya go bona gore a ga a kake a bona loungo mo go sone. Le fa go ntse jalo ga bo go se na sepe, e le matlhare fela, gonne e ne e ise e nne lobaka lwa maungo. Viz kapitolaSetswana 197013 Mme a bonela mofeie kgakajana kwa pele o na le matlhare, a fitlha teng a re, e tla re gongwe a fitlhele sengwe mo go ona; ya re a fitlha fa go ona, a se ka a bona sepe, fa e se matlhare fela; gonne e ne e se sebaka sa difeie. Viz kapitolaBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)13 Mi a bonela setlare sa mofeige khakala, se se nañ le makakaba, a ea go bona ha a ka bona señue mo go shona; mi ka a sina hitla go shona, a si ka a bona sepe, makakaba aosi; gone e le e si e ne motla a lifeige. Viz kapitola |