Ditiro 7:42 - Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)42 Mi Morimo oa rulara, oa ba nela go obamela ntua ea legorimo; yaka go kuariloe mo bukeñ ea baperofeti, Lona ba ntlu ea Yeserela, a lo ’ncuperitse cupelo tsa tlabo, le licupelo mo gareñganaga ka linyaga li forte? Viz kapitolaLefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha42 Mme Modimo wa ba huralela wa ba tlogela, mme wa ba lesa ba direla letsatsi, ngwedi le dinaledi jaaka medimo ya bone! Mo lokwalong lwa polelelopele ya ga Amose, Modimo o botsa jaana wa re, ‘Iseraele, a o ne o direla nna setlhabelo mo sekakeng selekanyo sa dingwaga di le masome a mane? Viz kapitolaSetswana 197042 Mme Modimo wa hulara, wa ba neelela go direla lesomo la legodimo, jaaka go kwadilwe mo lokwalong lwa baporofeti ga twe: “ ‘Lona Baiseraele, a lo ne lo ntlisetsa diruiwa tse di tlhajwang le ditlhabelo dinyaga di le 40 kwa sekakeng? Viz kapitolaBAEBELE e e Boitshepo42 Mme Modimo wa retologa, wa ba leseletsa ba direla lesomosomo la dilo tsa legodimo; jaaka go kwadilwe mo lokwalong lwa baperofeti ga twe: “ ‘A lo ne lwa nkisetsa ditshupelo tsa dikgomo tse di tlhabilweng, le ditlhabelo ka dinyaga di le 40 mo nageng, lona ba ntlo ya Iseraele? Viz kapitola |