Online Bible

- Reklamy -




Mareko 10:21 - Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha

21 Mme Jesu a ikutlwa a rata monna yo fa a mo leba, a mo raya a re, “O tlhoka selo se le sengwe fela, tsamaya o ye go rekisa dilo tsotlhe tse o nang natso mme o tseye madi o a abele bahumanegi mme o tlaa nna le khumo kwa legodimong, mme o tle o ntshale morago.”

Viz kapitola kopírovat

Setswana 1970

21 Jesu a mo leba, a mo rata, a mo raya a re: “O tlhoka selo se le sengwe fela; yaa o rekise tsotlhe tse o nang natso, o abele bahumanegi, mme o tla nna le lehumo kwa legodimong, o be o tle, o sikare sefapaano, o ntshale morago.”

Viz kapitola kopírovat

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

21 Mi Yesu ka a mo leba, a mo rata, mi a mo raea, Ua tloka seo señue; ea, mi cotle tse u nañ naco u li bapatse, mi u li abele bahumanegi, mi u tla bona lohumo mo legorimoñ; mi u tle, u culetse mokoro, mi u ’ntsale morago.

Viz kapitola kopírovat

BAEBELE e e Boitshepo

21 Mme Jesu a mo leba, a mo rata, mme a mo raya a re: “O tlhoka selo se le sengwe fela: Ya go rekisa tsotlhe tse o nang natso, o abele bahumanegi, mme o tlaa nna le khumo kwa legodimong; o bo o tle o ntshale morago.”

Viz kapitola kopírovat




Mareko 10:21

Následuj nás:

Reklamy


Reklamy