Mareko 7 - BAEBELE e e BoitshepoMekgwa ya segologolo ( Math 15:1-9 ) 1 Motlha mongwe ga phuthegela kwa go ene Bafarisai, le bangwe ba bakwadi, ba tswa Jerusalema. 2 Mme ba bo ba kile ba bona fa barutwa bangwe ba gagwe ba tle ba je dijo ka diatla tse di leswe, ke go re, tse di sa tlhapisiwang. 3 Gonne Bafarisai le Bajuta botlhe, fa ba sa tlhape mo diatleng le mo mabogong, ga ba ke ba ja; mme boo ba tshegeditse mekgwa ya bagologolo. 4 Fa ba tswa kwa borekelong, ga ba ke ba a ja fa ba sa tlhape pele; go bile go na le dilo di le dintsi tse ba tshwanetseng go di tshegetsa, jaaka go tlhatswa dinwelo, dipitsana le dijana tsa kgotlho, (le disekamelo.) 5 Bafarisai le bakwadi ba mmotsa ba re: “Ana barutwa ba gago ga ba tsamaeleng ka fa mekgweng ya bagologolo, ba ja fela senkgwe sa bone ka diatla tse di leswe?” 6 A ba raya a re: “Isaia o boletse sentle ka ga lona baitimokanyi, jaaka go kwadilwe ga twe: ‘Ba tšhaba e, ba ntlotla ka dipounama tsa bone, mme dipelo tsa bone di le kgakala le nna. 7 Ba nkobamelela lefela, ka ba ruta ka dithuto tse e leng melao ya batho fela.’ 8 “Lo tlogela taolo ya Modimo, lo tshegeditse mekgwa ya batho fela.” 9 A ba raya a re: “Lo ganela ruri taolo ya Modimo, gore lo tshegetse mekgwa ya lona. 10 Gonne Moše o rile: ‘Tlotla rraago le mmaago;’ gape a re: ‘Yo o buang bosula ka ga rraagwe kgotsa mmaagwe, ruri a a swe.’ 11 Lona lo a tle lo re: ‘Fa motho a raya rraagwe kgotsa mmaagwe a re: Se o ka bong o thusiwa ke nna ka sone e bile ke Korebana, ke go re, Se abetswe Modimo; 12 lo bo lo sa tlhole lo mo leseletsa go direla rraagwe kgotsa mmaagwe sepe;’ 13 mme lo dira lefoko la Modimo lolea fela ka mekgwa ya lona e lo e bolelang, le dilo tse dintsi tse di ntseng jalo lo a di dira.” Dilo tse di itshekololang motho ( Math 15:10-20 ) 14 A ba a ipiletsa bontsi jwa batho gape a re: “Ntheetsang lotlhe, lo tlhaloganye! 15 Ga go na sepe se se kwa ntle ga motho se se ka reng se tsena mo go ene sa mo itshekolola; dilo tse di tswang mo mothong ke tsone tse di itshekololang motho. 16 (Fa mongwe a na le ditsebe go utlwa, a a utlwe.)” 17 E rile a sena go tsena mo ntlong, a tlogetse bontsi jwa batho, barutwa ba gagwe ba mmotsa ka ga setshwantsho seo. 18 Mme a ba raya a re: “A le lona lo ntse jaana lo se na tlhaloganyo? A ga lo lemoge gore, se se kwa ntle ga motho, fa se tsena mo go ene, ga se ka ke sa mo itshekolola; 19 gonne ga se tsene mo pelong, fa e se mo mpeng fela, mme se ye go tswela kwa ntle?” Mme moo, a go bua, e le go itshekisa dijo tsotlhe. 20 A ba a re: “Se se tswang mo teng ga motho, ke sone se se itshekololang motho. 21 Gonne mo teng, mo dipelong tsa batho, go tswa megopolo e e bosula, le dikgokafalo, le bogodu le dipolao, 22 le boaka, le bopelotshetlha, le boikepo, le tsietso, le bopepe, le leitlho le le bosula, le kgalo, le bopelompe, le bosilo; 23 dilo tse tsotlhe tse di bosula di tswa mo teng, mme di itshekolole motho.” Tumelo ya mosadi wa Ture ( Math 15:21-28 ) 24 Mme a tswa teng, a tsamaya a ya mo melelwaneng ya Ture le Sitone. Mme a tsena mo ntlong nngwe, mme a bo a sa rate ga itse ope; mme ga retela fa a ka lojwa. 25 Ka bonako mosadi mongwe yo ngwana wa gagwe wa mosetsanyana o nang le mowa o o maswe, ya re a mo utlwela, a tla a wela fa dinaong tsa gagwe. 26 Jaana mosadi yo ya bo e le Mogerika, wa tšhaba ya Serofonike. Mme a mo rapela thata gore a kgoromeletse ntle mowa o o maswe mo go morwadie. 27 Mme a mo raya a re: “A bana ba kgore pele; gonne, ga go a tshwanela go tsaya dijo tsa bana, le go di latlhela dintša.” 28 Mosadi a mo fetola a re: “Ee, Morena, le e leng tsone dintša, di le ka fa tlase ga lomati lwa bojelo, di ja matlhotlhora a bana.” 29 Mme ene a mo raya a re: “Ka lefoko leo tsamaya fela; mowa o o maswe o dule mo go morwadio.” 30 Mme a tsamaya a ya ga gagwe, mme a fitlhela ngwana a beilwe mo bolaong, mme mowa o o maswe o dule mo go ene. Jesu o fodisa monna wa semumu a bile a le susu 31 Gape a tswa mo melelwaneng ya Ture, a ralala Sitone a ya a fitlha kwa lewatleng la Galilea, a raletse melelwane ya Dekapolise. 32 Ba lere kwa go ene monna mongwe yo o bosusu, yo o kwakwaetsang; mme ba mo rapela thata gore a mmeye seatla. 33 Mme a mo ntsha mo bontsing a mo isa fa thoko, a tsenya menwana ya gagwe mo ditsebeng tsa gagwe, a kgwa mathe, a ba a ama loleme lwa gagwe; 34 a lelalela legodimong, a fegelwa, a mo raya a re: “Efatha,” ke go re: “Kabologa.” 35 Ditsebe tsa gagwe tsa kabologa, le thapo ya loleme lwa gagwe ya hunologa, a itse go bua sentle. 36 A ba laya gore ba se ka ba bolelela ope; mme fela jaaka a ba laile thata, bone ba ya ba bolela bogolo thata. 37 Ba gakgamala mo go feteletseng ba re: “O dirile dilo tsotlhe sentle; o dira gore ba ba bosusu ba utlwe, le ba ba dimumu ba bue.” |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa