Online Bible

- Reklamy -

Mareko 3 - BAEBELE e e Boitshepo


Monna yo o seatla se omeletseng
( Math 12:9-14 ; Luke 6:6-11 )

1 Motlha mongwe a ba a tsena gape mo ntlong ya thuto; mme ga bo go le monna mongwe gone yo o seatla se omeletseng.

2 Mme ba mo lepa gore a o tlaa mo fodisa ka letsatsi la Sabata; gore ba tle ba mo neye molato.

3 Mme a raya monna yo o seatla se omeletseng a re: “Ema fa gare fa.”

4 A ba raya a re: “A go letleletswe go dira molemo ka letsatsi la Sabata, kgotsa go dira bosula, go boloka botshelo, kgotsa go bolaya?” Mme ba didimala fela.

5 Ya re a sena go ba kobakoba ka bogale, ka a tlhokofadiwa ke go thatafala ga dipelo tsa bone, a raya monna yoo a re: “Otlolola seatla sa gago.” Mme a se otlolola; mme seatla sa gagwe sa fola.

6 Bafarisai ba tswa, ba akofa ba ya ba gakololana le Baherote ka fa ba ka mo senyang ka teng.


Bontsintsi fa lotshitshing lwa lewatle

7 Mme Jesu a ngongwaelela kwa lewatleng a na le barutwa ba gagwe; mme bontsi jo bogolo jwa batho ba ba tswang Galilea jwa mo sala morago, le ba ba tswang Jutea.

8 Le kwa Jerusalema, le kwa Idumea, le kwa moseja ga Joretane, le kwa tikologong ya Ture le Sitone, e le bontsi jo bogolo, ka ba utlwa dilo tse dikgolo tse o di dirang, ba tla kwa go ene.

9 Mme a bua le barutwa ba gagwe gore mokorwana o mo emele, ka ntlha ya bontsi jo bo betaganyeng, e se re kgotsa ba mo pitlaganya.

10 O ne a fodisitse batho ba le bantsi; ga ba ga tla ga re botlhe ba ba nang le dipetso ba mo kgotlhaganyetsa, gore ba mo ame.

11 Le mewa e e maswe e ne e tle e re e mmona, e wele fa pele ga gagwe, e goe e re: “O Morwa Modimo.”

12 Mme a e laya thata a re, e se ka ya mo utlwatsa.


Jesu o tlhopha ba ba 12
( Math 10:1-4 ; Luke 6:12-16 )

13 A tlhatlogela mo thabeng, a ipiletsa bone ba ene ka esi o ba ratang, mme ba ya kwa go ene.

14 A tlhaola ba le 12 gore ba nne nae, gore a tle a ba rome ba ye go rera Mafoko a a Molemo,

15 le gore ba nne le thata ya go kgoromeletsa mewa e e bosula ntle. Mme ke ba:

16 Simone a mo okeletsa leina a re, Petere;

17 le Jakobe morwa Sebete, le Johane monnawe Jakobe, bone a ba okeletsa leina a re, “Boaneregese”, ke go re: “Bomorwa tumo ya maru”;

18 le Anterea, le Filipo, le Baretholomea, le Mathaio, le Thomase, le Jakobe morwa Alefaio, le Thataeo, le Simone wa Mokanana,

19 le Jutase Isekariota, yo e leng ene o mo okileng.


Jesu le Beelesebube
( Math 12:22-32 ; Luke 11:14-23 ; 12:10 )

20 A tla mo gae. Bontsi jwa batho jwa kgobokana gape, ba ba ba tla ba retelelwa le ke go ja.

21 E rile ditsala tsa gagwe di utlwa, tsa ya go mo tshwara, gonne di ne di re: “O a tsenwa.”

22 Le bakwadi ba ba fologileng kwa Jerusalema ba re: “O na le Beelesebube.” Gape ba re: “O kgoromeletsa ntle mewa e e maswe ka kgosana ya mewa e e maswe.”

23 Mme a ba ipiletsa, a bua nabo ka ditshwantsho, a re: “Satane o ka kgoromeletsa Satane ntle jang?

24 Fa bogosi bo ikgaogantse, bogosi joo ga bo ka ke jwa ema.

25 Ntlo le yone fa e ikgaogantse, ntlo eo ga e ketla e nonofa go ema.

26 Fa Satane a itsogologetse, a kgaoganye, ga a ka ke a ema, mme o na le bokhutlo.

27 “Ga go na ope yo o ka tsenang mo ntlong ya monna yo o thata, a thopa dilo tsa gagwe, fa a se ka a golega monna yo o thata pele; foo o ka thopa ntlo ya gagwe.

28 “Ammaaruri ke a lo raya, dibe tsotlhe tsa bomorwa batho ba tlaa di itshwarelwa, le ditlhapatso tse ba tlhapatsang ka tsone, le fa e ka bo e le dife.

29 Mme le fa e le mang yo o tlhapatsang Mowa o o Boitshepo, ga a na go itshwarelwa gope, o molato wa boleo jo bo se nang bokhutlo.”

30 Ya bo e le ka gobo ba rile, Jesu o na le mowa o o maswe.


Mmaagwe Jesu le bomonnawe
( Math 12:46-50 ; Luke 8:19-21 )

31 Mme ga tla mmaagwe le bomonnawe; ya re ba eme kwa thoko, ba roma kwa go ene, ba mmitsa.

32 Bontsi jwa batho jwa bo bo dutse bo mo dikanyeditse; mme ba mo raya ba re: “Bona, mmaago le bomonnao ba emetse kwa thoko ba a go batla.”

33 Ene a ba fetola a re: “Mme e mang le bonnake ke bomang?”

34 A kobakoba ba ba dutseng ba mo dikanyeditse a re: “Bonang, mme le bonnake ke ba!

35 Gonne le fa e le mang yo o tlaa dirang go rata ga Modimo, ene ke nnake le kgaitsadiake, le mme.”

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Následuj nás:



Reklamy