Levitiko 3 - BAEBELE e e BoitshepoDitshupelo tsa kagisanyo 1 “Fa seromololo sa gagwe e le tlhabelo ya ditshupelo tsa kagiso, fa a isa ga matlhape le fa e ka nna tona kgotsa e ka nna namagadi, a a e ise e se na bogole fa pele ga Jehofa. 2 A a beye letsogo la gagwe mo tlhogong ya seromololo sa gagwe a itse go se tlhabela fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo, bomorwa Arone, e bong baperesiti, a ba kgatshe madi mo sebesong mo tikologong ya sone. 3 A a isetse Jehofa ga tlhabelo ya ditshupelo tsa kagiso se e leng tshupelo e e dirwang ka molelo, lomipi le mahura otlhe a boteng. 4 Le diphilo tsoo pedi, le mahura a a mo go tsone, a a fa dinokeng, le lotswalo lo lo ntseng sebete godimo, lo na le diphilo, dilo tse tsotlhe a a di tlose. 5 Bomorwa Arone a ba di fisetse mo sebesong mo godimo ga tshupelo e e fisiwang, e e mo godimo ga dikgong tse di mo molelong; ke tshupelo e e dirwang ka molelo, e le monko o monate mo go Jehofa. 6 “Fa seromololo sa gagwe sa tlhabelo ya ditshupelo tsa kagiso, se se isediwang Jehofa, e le sa letsomane, le fa e le tona, le fa e le namagadi, a a se ise se se na bogole. 7 Fa a isa kwanyana seromololo sa gagwe, foo a a e ise fa pele ga Jehofa. 8 A a beye letsogo la gagwe mo tlhogong ya seromololo sa gagwe, a se tlhabe fa pele ga mogope wa bophutegelo; bomorwa Arone ba kgatshe madi a sone mo sebesong mo tikologong ya sone. 9 A a isetse Jehofa ga tlhabelo ya ditshupelo tsa kagiso, se e leng tshupelo e e dirwang ka molelo; mafura a sone, le mogatla o o mafura o le mmogo a o kgaolele fela fa mankopeng; le lomipi, le mafura otlhe a boteng. 10 Le diphilo tse pedi, le matlhaname a tsone, a a fa dinokeng, le lotswalo lo lo ntseng sebete godimo lo na le diphilo, dilo tse tsotlhe a a di tlose. 11 Moperesiti a di fisetse mo sebesong; ke dijo tsa tshupelo e e direlwang Jehofa ka molelo. 12 “Fa seromololo sa gagwe e le podi, foo a a e ise fa pele ga Jehofa; 13 a a beye letsogo la gagwe mo tlhogong ya yone, a a e tlhabe fa pele ga mogope wa bophuthegelo; a bomorwa Arone ba kgatshe madi a yone mo sebesong tikologong ya sone. 14 Mme a ise ga yone seromololo, e bong tshupelo e e direlwang Jehofa ka molelo; lomipi le mafura otlhe a boteng. 15 Le diphilo tsoo pedi, le matlhaname a tsone, a a fa dinokeng, le lotswalo lo lo ntseng sebete godimo, lo na le diphilo, dilo tse tsotlhe a di tlose. 16 Moperesiti a di fisetse mo sebesong; ke dijo tsa tshupelo e e dirwang ka molelo, go nna monko o o monate; mafura otlhe ke a ga Jehofa. 17 Mme a e nne molao o o sa khutleng go ya le dikokomana tsotlhe tsa lona, mo mannong otlhe a lona, gore lo se ka lwa ja mafura, le fa e le madi.” |
© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.
Bible Society of South Africa