Online Bible

- Reklamy -

Ditiro 8 - BAEBELE e e Boitshepo


Saule o bogisa phuthego

1 Mme Saule a bo a dumelela polao ya gagwe. Ya re ka letsatsi leo fela, phuthego e e mo Jerusalema ya tsogelwa ke pogiso e kgolo, botlhe ba falalela mo mafatsheng a Jutea le Samaria, fa e se baaposetole ba le bosi fela.

2 Mme banna bangwe ba badumedi ba fitlha Setefane, mme ba mo direla selelo se segolo.

3 Saule a nna a senya phuthego, a tsena mo matlong otlhe, a swatola banna le basadi, a ba tsenya mo ntlong ya kgolegelo.


Mafoko a a molemo a bolelwa mo Samaria

4 Ya re ka mo ba ba faletseng ba tsamayatsamaya, ba eta ba rera lefoko.

5 Filipo a fologela kwa motseng wa Samaria, a ba bolelela Keresete.

6 Mme matshutitshuti a batho a ela dilo tse di bolelwang ke Filipo tlhoko ka bongwe fela jwa pelo, ba sena go utlwa le go bona ditshupo tse o di dirang.

7 Gonne mewa e e maswe ya tswa mo bathong ba le bantsi ba ba nang nayo, e goa ka mantswe a magolo; le ba bantsi ba ba teteselang le ba ba golafetseng, ba fodisiwa.

8 Ga nna boitumelo jo bogolo mo motseng oo.

9 Ga bo go le monna mongwe go twe Simone, yo e rileng gale a bo a dira boloi mo motseng, a tseanya batho ba Samaria, a ikgantsha, a re ene ke mongwe yo mogolo.

10 Botlhe ba mo ela tlhoko, bannye le bagolo, ba re: “Monna yo ke ene nonofo ya Modimo e go tweng Kgolo.”

11 Ba mo ela tlhoko ka gobo o sa le a ba tseanya ka ditoo tsa gagwe ka lobaka lo loleele.

12 Mme e rile ba dumela Filipo, jaaka a ba rerela Mafoko a a Molemo, ka ga bogosi jwa Modimo, le ka ga leina la ga Jesu Keresete, ba kolobediwa, banna le basadi.

13 Simone le ene a dumela, mme e rile a sena go kolobediwa, a nna kwa go Filipo. O rile ka a bona ditshupo le dikgakgamatso di dirwa, a tseana thata.

14 Jaana e rile baaposetole ba ba kwa Jerusalema ba utlwa fa ba Samaria ba amogetse lefoko la Modimo, ba roma Petere le Johane kwa go bone;

15 ba e rileng ba fitlha ba ba rapelela gore ba amogele Mowa o o Boitshepo;

16 gonne o ne o ise o wele mo go ope wa bone, ba ne ba kolobeditswe mo ineng la Morena Jesu fela.

17 Foo ba ba baya diatla, mme ba amogela Mowa o o Boitshepo.

18 Jaana ya re Simone a bona fa Mowa o o Boitshepo o newa ka peo ya diatla tsa baaposetole, a ntsha madi,

19 a re: “Le nna lo nneye nonofo e, e tle e re yo ke mmayang diatla, a amogele Mowa o o Boitshepo.”

20 Mme Petere a mo raya a re: “A selefera sa gago se nyelele nao, ka gobo o gopotse fa o tlaa bona neo ya Modimo ka madi.

21 Ga o na kabelo le fa e le boswa mo tirong e, gonne pelo ya gago ga e a siama fa pele ga Modimo.

22 Ke gone, o ikwatlhaele boikepo jo, o rapele Morena, e tle e re kgotsa kgakologelo ya pelo ya gago o e itshwarelwe.

23 Gonne ke a bona fa o sa ntse o le mo santlhokweng sa botlhoko, le mo kgoleng ya boikepo.”

24 Simone a fetola a re: “Nthapelelang Morena, gore ke se ka ka tlelwa ke sepe sa dilo tse lo di buileng.”

25 Ke gone e rileng ba sena go supa le go bolela lefoko la Morena, ba boela Jerusalema, ba rera Mafoko a a Molemo mo metsaneng e le mentsi ya Basamaria.


Filipo le modiredi wa Ethiopia

26 Moengele wa Morena a bua le Filipo a re: “Tloga o ye kwa ntlheng ya borwa, kwa tseleng e e tswang Jerusalema e ya Gasa;” foo ke naga fela.

27 Mme a tloga a tsamaya. Mme bonang, monna mongwe wa Ethiopia, moopafadiwa, yo o taolo kgolo mo go Kantase mohumagadi kgosi ya Baethiopia, e le yo o laolang mahumo otlhe a gagwe; mme a bo a ne a ile Jerusalema go obamela Modimo teng;

28 a bile a boa, a dutse mo kareng ya gagwe, a bala mo go Isaia moperofeti.

29 Mme Mowa wa raya Filipo wa re: “Atamela o ye o kopane le kara ele.”

30 Filipo a tabogela kwa go ene, a mo utlwa a bala mo go Isaia moperofeti, mme a re: “A o tlhaloganya se o se balang?”

31 A re: “Nka tlhaloganya jang, fa mongwe a sa nkgoge?” A rapela Filipo gore a pagame a nne nae.

32 Jaana fa o ne a bala teng mo lokwalong, ke fa go reng: “O ne a gogelwa jaaka nku tlhabong; le jaaka kwanyana e didimetse fela fa pele ga mmeodi wa yone, le ene ga a tswe molomo jalo:

33 Tshiamiso ya gagwe o e tloseditswe mo go kgobaladiweng ga gagwe. Losika lwa gagwe e mang yo o tlaa lo bolelang? Gonne botshelo jwa gagwe bo tlosiwa mo lefatsheng.”

34 Moopafidiwa a raya Filipo a re: “Tswe, moperofeti o bua mo ka ga mang? A ka ga gagwe, kgotsa ka ga mongwe o sele?”

35 Filipo a tswa molomo, a simolola ka lokwalo lo, a mo rerela Jesu.

36 Ya re ba sa tswelela pele mo tseleng, ba fitlha fa metsing mangwe; mme moopafadiwa a re: “Bona, metsi ke a; ke kgorelediwa ke eng gore ke se kolobediwe?”

37 (Filipo a re: “Fa o dumela ka pelo yotlhe ya gago go ka nna jalo.” A mo fetola a re: “Ke a dumela fa Jesu Keresete e le Morwa Modimo.”)

38 Mme a laola gore kara e eme, mme ba fologela mo metsing boo babedi, ene Filipo le moopafadiwa; mme a mo kolobetsa.

39 Ya re ba tlhatloga mo metsing, Mowa wa Morena wa tlosa Filipo; mme moopafadiwa a se ka a tlhola a mmona, gonne a tswelela mo tseleng ya gagwe a itumetse.

40 Mme Filipo a fitlhelwa kwa Ašetote, ya re a ntse a ralala, a eta a rera Mafoko a a Molemo mo metseng yotlhe, a tsamaya a ya go fitlha kwa Kaesarea.

© Bible Society of South Africa 1992. Used with permission. All rights reserved.

Bible Society of South Africa
Následuj nás:



Reklamy